Jump to content

Wikipedia

Go tswa ko Wikipedia
Wikipedia
Sekano sa Wikipedia
Screenshot
Wikipedia portal showing the different languages sorted by article count
Tebego ya tsebe ya konokono ya Wikipedia ka komputara
Type of site
Maranyane a encyclopedia
Available in364 languages
Country of originUnited States
Owner
Created by
URLwikipedia.org
CommercialNyaa
RegistrationWa ithopela
Users>568,317 active editors[1]
>134,215,089 registered users
LaunchedFerikgong 15, 2001
(25 years ago)
 (2001-01-15)
Current statusActive
Content license
CC Attribution / Share-Alike 3.0
Most text is also dual-licensed under GFDL; media licensing varies
Written inLAMP platform[2]
OCLC number52075003

Wikipedia [e] ke ensaetlopedia ya mahala ya maranyane e e kwadilweng le go tlhokomelwa ke setšhaba sa baithaopi, ba ba itsiweng jaaka Bawikipedia, ka tirisanommogo e e bulegileng le serweboleta sa wiki sa MediaWiki. E tlhomilwe ke Jimmy Wales le Larry Sanger ka ngwaga wa 2001, Wikipedia e ntse e amogelwa fa e sale ka ngwaga wa 2003 ke Mokgatlho wa Wikimedia, mokgatlho wa Amerika o o sa direng dipoelo o o tshegediwang thata ke meneelo ya babadi.[3] Wikipedia ke buka e kgolo go tsotlhe ya tshedimosetso e e dirisediwang go batla tshedimosetso, gape ke yone e e balwang thata mo ditsong.[4][5]

Kwa tshimologong e ne e le teng ka Seesemane fela, Wikipedia e godile go fitlha dipuo di feta makgolo a mararo mme ke nngwe ya lefelo la tshedimosetso mo maranyaneng tse di etelwang thata mo lefatsheng go tloga ka ngwaga wa 2026. Wikipedia ya Seesemane, e e nang le dipego di feta didikadike di le supa, e sa ntse e le yone e kgolo go gaisa tsotlhe mo dikgatisong, tse mmogo di nang le dipego di feta didikadike di le masome a a marataro le bosupa mme gape e amogela maeto a a fetang didikadike di le sekete le makgolo a matlhano tsa didirisiwa tse di farologaneng le diphetogo di ka nna didikadike di le lesome le boraro kgwedi le kgwedi, e leng palogare ya diphetogo di ka nna tlhano ka motsotswana. Go fitlha ka kgwedi ya Sedimonthole ka ngwaga wa 2025, mo e ka nnang karolo ya masome a mabedi le botlhano mo lekgolong ya batho ba ba etelang Wikipedia ba ne ba tswa kwa lefatsheng la United States, fa lefatshe la Japane le ne le emela mo e ka nnang karolo ya bosupa mo lekgolong, mme mafatshe a United Kingdom, Germany le Russia tsotlhe di ne di emela mo e ka nnang karolo ya botlhano mo lekgolong nngwe le nngwe.[6]

Wikipedia e ile ya akgolwa ka ntlha ya popego ya yone ya ka fa gare le setso, e e kgontshang go dira gore kitso e nne ya puso ya batho ka batho, le ka ntlha ya go akaretsa dilo tse dintsi ka dikgang tse di farologaneng, Wikipedia e ile ya tlhotlhomisiwa ke dipuso dingwe tsa bosetšhaba, go simolola ka ditsebe tse di rileng go ya kwa saeteng yotlhe, ka dinako tse dingwe ka ntlha ya go kgala puso kgotsa ka ntlha ya diteng tse di tsewang di le bosula .[7][8] Ensaekolopedia eo e kile ya tshwaiwa diphoso ka ntlha ya go sekamela mo letlhakoreng le le lengwe mo mokgweng wa yone wa go tlhagisa tshedimosetso. Sekao ke go se neye basadi tshiamelo e e lekanang le ya banna (gender bias) le go sa emele dinaga tsa Borwa jwa Lefatshe (Global South) ka tekatekano. Gape, boikanyego jwa tshedimosetso ya Wikipedia bo ne bo belaelwa gantsi mo dingwageng tsa bo-2000, mme go simolola kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo-2010, e simolotse go amogelwa le go akgolwa thata. Ditlhogo tsa Wikipedia tse di buang ka ditiragalo tse di sa tswang go diragala di dirisiwa gantsi ke batho ba le bantsi e le metswedi ya tshedimosetso ya bosheng.

Go ne ga lekeletswa diensaetlolopedia tse di farologaneng tsa tirisanommogo tsa mo mafaratlhatlheng (inthanete) pele ga go simololwa ga Wikipedia, mme tsotlhe tsa atlega fela e seng mo go kalo kalo. [9] Wikipedia e simolotse e le lenaneo le le tlaleletsang Nupedia, e leng thulaganyo ya mahala ya mafaratlhatlha a inthanete ya ensaetlolopedia ya puo ya Sekgoa e makwalo a yone a neng a kwalwa ke baitseanape le go sekasekwa ka fa tlase ga thulaganyo e e tlhomameng. [10] E tlhomilwe ka Mopitlo a le malatsi a le boferabongwe, ngwaga wa 2000, e le ya Bomis, e leng kompone ya web portal . Batho ba bagolo ba yone e ne e le Mookamedi-mogolo wa Bomis e bong Jimmy Wales le Larry Sanger, morulaganyi-mogolo wa Nupedia mme moragonyana wa Wikipedia. Nupedia e neilwe teseletso lantlha ka fa tlase ga teseletso ya yone ya Diteng tse di Buletsweng tsa Nupedia. Pele ga Wikipedia e tlhongwa, Nupedia e ne ya fetogela kwa Teseletso ya Dikwalo ya Mahala ya GNU se se rotloediwa ke Richard Stallman . Gantsi Wales o fiwa tlotla gore o ne a kgona go tlhalosa ka botlalo maikano a go dira ensaetlolopedia e makwalo a yone a kgonang go kwalwa le go baakangwa ke setshaba , fa Sanger ene a bokelwa go tswa ka leano la go dirisa wiki go fitlhelela maikano ao. [11] Ka Firikgong a le malatsi a le lesome, ngwaga wa 2001, Sanger o ne a ntsha mogopolo mo dithomelong tsa Nupedia go tlhama wiki gore e bereke go "thusa" lenaneo la Nupedia. [W 1]

Tshimololo le kgolo

[fetola | Fetola Motswedi]

Wikipedia e simolodisitswe ka Firikgong a le malatsi a le lesome le botlhano ka ngwaga wa 2001, (ka dinako tse dingwe le bidiwa "Letsatsi la Wikipedia"), [12] e le kgatiso e le nngwe ya puo ya Sekgoa e e nang le leina la kgolagano ya www.wikipedia.com, mme le ne la bolelwa ke Sanger mo dithomelong tsa Nupedia. Leina le, le le duleng ka Sanger go thibela tshenyo epe e e ka nnang teng mo leineng la Nupedia, [13] le simolotse mo motswakong wa mafoko wiki le encyclopedia . Wales o boletse gore kgopolo ya Wikipedia e ne ya tlhotlhelediwa ke dikgopolo tsa thulaganyo e e sa rulaganngwang e e neng e amana le Friedrich Hayek le Sekolo sa tsa itsholelo sa kwa Austria morago ga gore moitseanape wa tsa itsholelo yo o ratang kgololesego e bong Mark Thornton a supe megopolo ye . [14] [15] Segolobogolo, Wales o ne ya tlhotlhelediwa ke polelo ya ga Hayek ya Tiriso ya Kitso mo Setšhabeng e e neng e bolela gore e ne e le "konokono" mo mogopolong wa gagwe ka ga "kafa a ka laolang lenaneo la Wikipedia ka teng". [15] Molao wa tsamaiso ya yone o o botlhokwa wa " pono e e sa tseyeng letlhakore " o ne wa simolola mo ngwageng wa yone wa ntlha . [16]Mme fela, go ne go na le melao e mmalwa, mme e ne e bereka e sa laolwe ke Nupedia. Bomis kwa tshimologong e ne e ikaeletse gore e nne kgwebo e e dirang dipoelo. [17]

Wikipedia e ne ya bona bakwadi/batlatsi ba ntlha go tswa mo Nupedia, dipego tsa Slashdot, le go dira dikgolagano tsa enjene ya patlo ya webo. Dikgatiso tsa puo di ne tsa tlhamiwa go simolola ka Mopitlo 2001, mme palo yotlhe ya tse di ne di dirisiwang di le lekgolo le masome a le marataro le bongwe kwa bokhutlong jwa ngwaga wa 2004. Nupedia le Wikipedia di ne tsa nna mmogo go fitlhela disefara tsa Nupedia di emisetswa ruri ka 2003, mme dikwalo tsa yone di ne tsa tsenngwa mo Wikipedia. Wikipedia ya Sekgoa e fetile letshwao la dikwalo tse di didikadike di le pedi (2 million) ka Lwetse a le malatsi a le boferabongwe, ngwaga wa 2007, mme se se ne sa e dira gore e nne ensaetlolopedia e kgolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa kokoanngwa, e feta Ensaetlolopedia ya Yongle e e neng ya dirwa kwa China ka nako ya puso ya ga Ming ka 1408, e e neng e tshwere rekoto ya teng dingwaga di ka nna makgolo a le marataro.

Ka ntlha ya go tshaba papatso ya dikgwebo le go tlhoka taolo, badirisi ba Wikipedia ya Sepanishe ba ne ba tswa mo Wikipedia go tlhama Enciclopedia Libre ka Tlhakole 2002. [W 2] Morago ga moo Wales o ne a ntsha kitsiso ya gore Wikipedia ga e kitla e bontsha dikgang tsa ipapatso mme ya fetola kgolagano ya dikhomphiutha go tswa go wikipedia.com go ya go wikipedia.org . [W 3]

Morago ga paka ya ntlha ya kgolo e e kwa godimo, [18] go lebega selekanyo sa kgolo ya Wikipedia ya Sekgoa go ya ka dipalo tsa dikwalo tse disha le tsa bakwadi e ne ya tsholetsega thata go bapa le ngwaga wa 2007 o simolola. [19] Kgatiso e e ne ya fitlhelela dikwalo di le didikadike di le tharo ka Phatwe 2009. Dikwalo di ka nna sekete le makgolo a le boferabobedi di ne di tsenngwa mo ensaetlolopedia ye ka letsatsi ka ngwaga wa 2006; ka 2013 palogare eo e ne e tsamaela makgolo a le boferabobedi. [W 4] Setlhopha kwa Lekalaneng la Dipatlisiso la Palo Alto se ne sa amanya go fokotsega mo ga kgolo le "go oketsega ga kgokagano le ditshenyegelo tse di kwa godimo, go se akarediwe batho ba basha mo lenaneong, le go gana diphetogo tse disha". Ba bangwe ba ne ba akantsha gore kgolo e ne ya fokotsega ka gonne dikwalo tse di ka bidiwang " tse di motlhofo thata "— tsa ditlhogo tse di tshwanelwang ke go nna dikwalo—di ne di setse di tlhamilwe le go agiwa thata. [20]

Ka Ngwanatsele 2009, mmatlisisi mongwe kwa Sekolong sa dithuto tse dikgolwane sa Rey Juan Carlos kwa Madrid, kwa Spain, o ne a fitlhela gore Wikipedia ya Sekgoa e ne e latlhegetswe ke bakwadi/batlatsi ba le dikete di le masome a mane le boferabongwe mo dikgweding tsa ntlha tse tharo tsa 2009; fa e bapisiwa, e ne e latlhegetswe ke bakwadi ba le dikete di le nne le makgolo a le boferabongwe fela mo pakeng e e tshwanang ka 2008. [21] Pego ya The Wall Street e ne ya umaka melao e e farologaneng e e dirisiwang mo go direng dikwalo le dikganetsano tse di amanang le diteng tsa one gareng ga mabaka a a dirang gore go nne le tlwaelo ya kgang ye. [22] Wales o ne a ganetsa dikgang tse ka 2009, a ganela dikgang tsa phokotsego le go belaela mokgwa wa patlisiso eo. [23] Morago ga dingwaga di le pedi, ka 2011, o ne a amogela gore go nnile le phokotsego e nnye, a lemoga phokotsego go tswa go "bakwadi ba ba fetang dikete di le masome a mararo le borataro go le sekae" ka Seetebosigo 2010 go ya go ba le dikete di le masome a mararo le botlhano le makgolo a le boferabobedi ka Seetebosigo 2011. Mo go yone potsolotso eo, o ne a bolela gape gore palo ya bakwadi e ne e "tlhomame e bile e tswelelela pele". [24] Setlhogo sa lekwalo la 2013 la MIT Technology Review, "Go wela tlase ga Wikipedia", se ne sa belaela polelo e, sa bega gore fa e sale ka 2007 Wikipedia e ne e latlhegetswe ke nngwetharong ya bakwadi ba yone ba ba ithaopileng, mme sa akantsha gore ba ba setseng ba ne ba tlhomile mogopolo thata mo dintlheng tse dinnye. [25] Ka Phukwi 2012, The Atlantic e ne ya bega gore palo ya batsamaisi le yone e ne e fokotsega. [26] Ka Ngwanatseele 2013, bukana ya ditshwantsho ya New York e ne ya bolela jaana, "Wikipedia, webosaete ya borataro e e dirisiwang thata, e lebagane le mathata a tsamaiso ya one." Palo ya bakwadi ba esaentlolopedia ya Sekgoa ba ba e dirisang gangwe le gape fa e sa le ka nako eo e ntse e tlhomame morago ga nako e telele ya go wela tlase. [27] [28]

Ka Firikgong a le malatsi a le masome a mabedi, ngwaga wa 2014, Subodh Varma yo o neng a begela The Economic Times o ne a supa gore ga se fela gore kgolo ya Wikipedia e ne e eme, e ne e "latlhegetswe ke palo ya dipono tsa dikwalo di ka nna lesome mo lekgolong ngogola. Go nnile le phokotsego ye e ka nnang dikadikadike di le dikete tse pedi (2 billion) fa gare ga Sedimonthole 2012 le Sedimonthole 2013. Diphetolelo tsa yone tse di ratiwang thata ke tsone tse di eteletseng pele mo tsebeng: dipono tsa dikwalo tsa Wikipedia ya Sekgoa di fokotsegile ka lesome le bobedi mo lekgolong (12%), tsa mofuta wa Sejeremane di fokotsegile ka lesome le bosupa mo lekgolong (17%) mme tsa mofuta wa Sejapane di fokotsegile ka boferabongwe mo lekgolong (9%)." [29] Varma o ne a tlatsa a re, "Le fa baokamedi ba Wikipedia ba akanya gore se se ka tswa se bakilwe ke diphoso tsa go tsaa dipalo, baitseanape ba bangwe ba akanya gore lenaneo la Google la Knowledge Graphs le le simolotsweng ngogola le ka tswa le ne le tsaya badirisi ba Wikipedia." [29] Fa go ikgolagangwa le ene, Clay Shirky, morutintshi-mmogo kwa Sekolo sa dithuto tse dikgolwane sa New York le modiri ka ene kwa Lekalana la Setšhaba le mafaratlhatlha a Inthanete la Berkman Klein la Harvard o ne a bolela gore o belaela gore bontsi jwa go fokotsega ga go lebelewa ga ditsebe go bakilwe ke Dikerafo tsa Kitso, a bolela jaana, "Fa o ka kgona go bona karabo ya potso ya gago mo tsebeng ya patlo, ga o tlhoke go [tobetsa] go ya pele." [29] Kwa bokhutlong jwa Sedimonthole 2016, Wikipedia e ne ya fiwa maemo a botlhano mo webosaeteng e e itseweng thata mo lefatsheng lotlhe ka bophara. [30] Go ema ka Firikgong 2023, go setse go nopotswe dikwalo di le dikete di le masome a matlhano le botlhano le makgolo a le bosupa le masome a le boferabongwe le bongwe (55 791) tsa Wikipedia ya Sekgoa makgetho a le dikete di le masome a le boferabongwe le bobedi le makgolo a le mararo (92 300 ) mo dibukaneng tsa barutegi, [31] tse go tswa mo go tsone tiriso ya dikitso tsa dikhomphiutha e neng e le tsebe e e nopotsweng thata. [32]

Dithulaganyo tse di berekang le yone

[fetola | Fetola Motswedi]

Wikipedia e tlhamile mananeo a le mmalwa a a berekang le ensaetlolopedia, tse gape e leng diwiki tse di tsamaisiwang ke Mokgatlho wa Wikimedia . Mananeo a mangwe a Wikimedia a a akaretsa Wiktionary, lenaneo la bukana ya ithunthuntso mafoko e e neng ya simololwa ka Sedimonthole 2002, Wikiquote, kokoanyo ya dinopolo tse di tlhamilweng beke morago ga gore Wikimedia e simololwe, [33] Wikibooks, kokoanyo ya dibukathuto tsa mahala tse di kwadilweng ka tirisanommogo, [W 5] Wikimedia Commons . e e neng e diretswe metswedi ya dikgang ya kitso e e gololesegileng, Wikinews, ya bobegadikgang jo bo dirisanang mmogo, le Wikiversity, lenaneo la go tlhama didirisiwa tsa go ithuta tsa mahala le go tlamela ka ditiro tsa go ithuta ka inthanete. [W 6] Lenaneo le lengwe la Wikipedia, Wikispecies, le nankolola mefuta ya ditshedi tsotlhe, mme ga e a bulegela go ka tlaletswa ke setšhaba. [34] Ka 2012, Wikivoyage, e leng kaedi ya mesepele e e ka tlaleletswang, [35] le Wikidata, e leng motheo wa kitso o o ka tlaleletswang le one, di ne tsa simololwa. [W 7]

Diphitlhelelo

[fetola | Fetola Motswedi]
Cartogram showing number of articles in the top 88 Wikipedias (Tempolete:As of The size of the circles for Wikipedias that have less than a million articles is fixed and not proportional to the size of the Wikipedia. The smallest Wikipedia that made the cutoff is the Haitian Creole Wikipedia with 69K articles.[lower-alpha 1]
The languages are roughly grouped by region:

Ka Firikgong 2007, Wikipedia e ne ya nna nngwe ya diwebosaete tse di lesome tse di tumileng thata kwa Amerika, go ya ka Comscore Networks. [36] Ka badirisi ba yone ba ba kgethegileng ba le didikadike di le masome a mane le bobedi le dikete di le makgolo a le boferabongwe (42.9), e ne ya nna mo maemong a boferabongwe, e feta The New York Times (maemo a lesome) le Apple (maemo a lesome le bongwe). [36] Se se ne sa tshwaya koketsego e e bonalang go feta Firikgong 2006, fa Wikipedia e ne e le mo maemong a bomasome a le mararo le boraro, ka badirisi ba kgethegileng ba le didikadike di le lesome le boferabobedi le dikete di le makgolo a le mararo ka (18.3 million). Ka 2014, e ne ya amogela dipono tsa ditsebe di le didikadike di le dikete tse di boferabobedi (8 billion) kgwedi le kgwedi. [W 8] Ka Tlhakole a le malatsi ae boferabongwe, 2014, The New York Times e ne ya bega gore Wikipedia e ne e na le  dipono tsa ditsebe di le dikadikadike di le dikete tse dilesome le boferabobedi (18 billion) le badirisi ba ba kgethegileng ba le didikadike di le makgolo a le matlhano (500 million) ka kgwedi, "go ya ka ditekanyetso tsa comScore". [37] Go ema ka Mopitlo 2023, e ne le mo maemong a borataro ka go tuma go ya kaSimilarweb.[38] Jeff Loveland le Joseph Reagle ba nganga gore, mo tsamaisong, Wikipedia e latela mokgwa wa tsela e e telele wa diensaetlolopedia tsa ditso tse di kokoantseng ditokafatso ka bonya ka bonya ka " go kokoanya ga stigmergy ". [39] [40]

Ka Firikgong a le malatsi a le lesome le boferabobedi, ngwaga wa 2012, Wikipedia ya Sekgoa e ne ya nna le seabe mo motseletseleng wa ditshupetso tse di rulagantsweng kgatlhanong le melao e mebedi e e neng e tshitshintswe kwa Lekgotlaneng la United States — Molao wa go Emisa go Utswa bodiratsi/dikwalo mo mafaratlhatlheng (SOPA) le Molao wa PROTECT IP (PIPA)—ka go fifatsa ditsebe tsa yone dioura di le masome a mabedi le bone . [41] Batho ba feta didikadike di le lekgolo le le lengwe le masome a mabedi ba bone tsebe e e neng e tlhalosa go fifafatsa moo e e neng e tsere maemo a diteng tsa ensaetlolopedia nakwana e e seng ya sennela ruri. [42] [W 9]

Ka Firikgong 2013, 274301 Wikipedia, e leng asteroid, e ne ya bidiwa ka Wikipedia; [43] ka Phalane 2014, Wikipedia e ne ya tlotlomatswa ka Sefikantswe sa Wikipedia ; [44] mme, ka Phukwi 2015, ditshutiso tsa Wikipedia di le lekgolo le le lengwe le borataro (106) mo go tse di dikete di le bosupa le makgolo a le mane le masome a le bosupa le boraro (7 473) tse di nang le ditsebe di le makgolo a le masupa 700 di ne tsa nna teng e le Wikipedia e e Gatisitsweng . [45] Ka Moranang 2019, sefofane sa Iseraele se se fologang mo ngweding, Beresheet, se ne sa wela mo godimo ga Ngwedi se tshotse dikhophi tsa dikwalo tsa Wikipedia ya sekgoa tsotlhe di gateletswe mo dipoleiting tse ditshesane tsa nikele; baitseanape ba re go ka direga gore dipoleiti tse di ne tsa seka tsa amega fa tiragalo e ya go wa ga sefofane e diragala. [46] [47] Ka Seetebosigo 2019, baitseanape ba maranyane ba ne ba bega gore 16 GB otlhe wa dikwalo tse di tswang mo Wikipedia ya Sekgoa o tsentswe mo DNA ya maitirelo . [48]

Ka Firikgong a le lesome le boferabobedi, 2023, Wikipedia e ne ya simolodisa webosaete e ntšha e e baakantsweng , e e bidiwang " Vector 2022 ". [49] [50] E ne e na le tsebe ya lenaneo e e tlhamilweng sesha, e sutisetsa tafole ya diteng kafa molemeng go e dira baara e e kafa thoko, le diphetogo di le dintsi fa go tobediwang teng go tlhopha tse o batlang go di dirisa jaaka sedirisiwa sa go tlhopha puo. [50] [W 10] Ntšhafatso e e ne ya amogela tsibogo e e sa siamang kwa tshimologong, segolobogolo fa bakwadi botlhe ba Wikipedia ya Seswahili ba ne ba tlhopha go busetsa diphetogo morago. [49] [51]

Bobedi jo, Sanger le Wales ba ne tsenelela dipotsolotso tse di phatlalatsa kwa bokhutlong jwa 2025 ka ga dikakanyo tsa bone ka ga maemo le seemo sa Wikipedia, go fitlha go felela fa dingwageng tsa one tse di masome a mabedi le botlhano e ntse e le mo tirisong ka Firikgong a le lesome le botlhano, ngwaga wa 2026; Wales o ne a tlhagelela mo thulaganyong ya dikgang tsa PBS mo lenaneong la GZERO World e e neng e botsolodiwa ke Ian Bremmer mme Sanger o ne a tlhagelela mo Dikgannyeng tsa Fox, e e neng e botsolodiwa ke Ashley Rindsberg . Buka ya ga Wales ya Melao e e Supa ya go Ikanyega e ne ya gatisiwa ke Penguin Random House ka Phalane 2025 . E ne ya tlhalosiwa ke mogatisi jaaka "kakanyo e e tseneletseng ka ga mathata a lefatshe a go ikanyega le kitso" e le buka e e kanokang "melao ya go tshepana" e e letleletseng kgolo le katlego ya Wikipedia. [52]

Ditlamorago tsa maranyane a botlhale jwa maiterelo (generative AI ) mo dipalong tsa dipono tsa ditsebe tsa Wikipedia

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa e sa le ka Firikgong 2024, Mokgatlho wa Wikimedia o begile koketsego ya sephatlo mo lekgolong ya tiriso tsa dibandwith go tswa mo go bapaleng diteng tsa bobegakgang mo mananeong a one otlhe. Go ya ka mokgatlho yo, kgolo e e amana le mananeo a a iperekisang ka boone, kgotsa di-bot tsa " scraper ", tse di kokoanyang ditshutiso tsa kitso mo ditsebeng tsa Wikimedia gore di dirisiwe mo go katiseng didirisiwa tse ditona tsa puo le ditiro tse di amanang le tsone. [53]

Ka Phalane 2025, Mokgatlho wa Wikimedia o ne wa bega palo kakanyetso e le boferabobedi mo lekgolong ya phokotsego ya pharakano fa go bapisiwa le kgwedi e e tshwanang ka 2024 mo diponong tse di dirilweng ke batho. Ba bua gore se se bontsha tiriso ya Maranyane a botlhale jwa maitirelo le metswedi ya dikgang di sedimosa ka fa batho ba ratang go batla kitso/dikgang ka teng. [54] [55]

Tirisanommogo ya bakwadi

[fetola | Fetola Motswedi]
Dipharologano tse di gateletsweng mo dikwalong tsa setlhogo se le sengwe

Ka ntlha ya go tuma ga Wikipedia mo go ntseng go oketsega, dikgatiso dingwe, di akaretsa le tsa Sekgoa, di simolodisitse melawana e e laolang go tlaleletsa dikwalo fa gongwe. Ka sekai, mo Wikipedia ya sekgoa le dikgatiso dingwe tsa dipuo, badirisi ba ba nang le diphetogo di le lesome tsa dikwalo mme gape ba na le malatsi a le mane e le badirisi ke bone fela ba ba ka dirang dikwalo tse disha. Mo Wikipedia ya Sekgoa, gareng ga tse dingwe, ditsebe tse di bakang dikganetsano thata, tse di masisi, kgotsa tse di nang le kgonagalo ya go senngwa di ile tsa sirelediwa ka selekanyo se se farologaneng. [56] Tsebe e e senngwang gantsi e ka nna "e e sireleditsweng bontlhabongwe" kgotsa "e e sireleditsweng e netefaditswe gape e atolositswe", se se rayang gore ke fela bakwadi ba ba "tlhomamisitsweng" kgotsa ba ba "netefaditsweng mo go atolositsweng" ba ka e fetolang. [57]Setlhogo se se bakang dikganetsano thata se ka nna sa lotlelwa gore e nne batsamaisi fela ba ba ka dirang diphetogo. Lekwalo la 2021 mo Columbia Journalism Review le ne la supa melawana ya Wikipedia ya go sireletsa ditsebe jaaka "gongwe tsela e e botlhokwa thata" e e nang le yone ya go "laola mmaraka wa yone wa megopolo". [58] Wikipedia e abetse di- bot ditiro dingwe . tsamaiso ya algorithm ya mofuta yoo e bonolo go tsenngwa mo tirisong le go lekanyediwa, mme go gana go amogela diphetogo mo go itirisang (automated rejection ) go ka tswa go nnile le seabe mo go fokotsegeng ga bakwadi ba ba matlhagatlhaga ba Wikipedia. [59] Di-bot di tshwanetse go amogelwa ke badirisi pele ga ditiro tsa tsone di tsenngwa mo tirisong. [60]

Mo dikgannyeng tse dingwe, bakwadi botlhe ba letlelelwa go romela diphetogo, fela go tlhokega tshekatsheko mo bakwading bangwe, go lebilwe diemo dingwe. Ka sekai, Wikipedia ya Sejeremane e boloka "diphetolo tse di tlhomameng" tsa dikwalo tse di fentseng go tlhatlhobiwa mo go rileng. Morago ga diteko tse di tsereng nako e telele le dipuisano tsa badirisi, Wikipedia ya Sekgoa e ne ya tlhagisa thulaganyo ya "diphetogo tse di santseng di letilwe" ka Sedimonthole ngwaga wa 2012. [61] Ka fa tlase ga thulaganyo ye, diphetogo tsa badirisi ba basha le ba ba sa kwadisiwang mo dikwalong dingwe tse di bakang dikganetsano kgotsa tse di nnang di senngwa di sekasekwa ke badirisi ba ba tlhomameng pele ga di gatisiwa. [62] Le fa go ntse jalo, melawana ya go tlaleletsa dikwalo e fokotsa go nna le seabe ga bakwadi ga mmogo le maiteko a go kabakanya morafe wa badirisi. [63]

Dikwalo tse di amanang le kgotlhang ya Iseraele le Palestina di bewa ka fa tlase ga tshireletso e e atolositsweng e e netefaditsweng. [64] Bakwadi gape ba ka dira phetogo ya go boela morago mafoko a bone gangwe fela ka letsatsi go ralala ensaetlolopedia yotlhe mme ba ka thibelwa ruri go tlaleletsa dikwalo tse di amanang le yone. Melawana e e simolotswe ka 2008. [65] Ka Firikgong 2025, Komiti ya Katlholo e ne ya simolodisa "melawana e e lekalekanang ya go tlaleletsa dikwalo", e e tlhokang gore badirisi ba ba nang le dithibelo ba neele fela nngwetharong ya diphetolo tsa bone mo dikwalong tse di amanang le kgotlhang ya Iseraele le Palestina le fa go se na melao epe ya boitshwaro jo bo sa siamang e e robilweng. [66]

Tshekatsheko ya diphetogo

[fetola | Fetola Motswedi]
tsebe ya diphetolo ya Wikipedia

Le fa diphetogo di sa sekasekwe ka thulaganyo, sofotewere ya Wikipedia e tlamela ka didirisiwa tse di letlelelang mongwe le mongwe go sekaseka diphetogo tse di dirilweng ke ba bangwe. Tsebe ya Ditso ya lekwalo lengwe le sengwe e golagana le diphetolo dingwe le dingwe tsa yone.[lower-alpha 2] Mo dikwalong ka bontsi, mongwe le mongwe o ka lebelela diphetogo tse disha mme gape a baakanya diphetolo tsa ba bangwe ka go tobetsa kgokagano e e mo tsebeng ya Ditso tsa lekwalo la teng. Badirisi ba ba kwadisitsweng ba ka nna ba tlhokometse dikwalo tse di ba kgatlhang ka go nna le "lenaneo la ditebelelo" gore ba kgone go itsisiwe ka diphetogo. "Kanoko ya ditsebe tse disha" ke thulaganyo e mo go yone dikwalo tse di sa tswang go tlhamiwa di tlholwang go bona gore a di na le mathata a a bonalang.

Ka 2003, moithuti wa setlankana sa PhD sa dithuto tsa itsholelo Andrea Ciffolilli o ne a bolela gore ditshenyegelo tse di kwa tlase tsa go nna le seabe mo wiki di ne tsa dira gore go nne le tlhabololo ya tirisanommogo, le gore dikarolo tsa mofuta yoo di ne di letlelela gore go nne motlhofo go bona diphetolo tse di fetileng tsa tsebe, mme go ne go thusa ka "dikatlholo tse di agang" go na le "dikatlholo tse di senyang". [67]

Phetogo epe e e tshosetsang go thokgama ga Wikipedia ka bomo e tsewa e le go senya. Mefuta e e tlwaelegileng thata e e bonalang ya go senya e akaretsa go oketsa ka dilo tse di fatlhang le metlae e e sa siamang; gape e ka akaretsa ipapatso le mefuta e mengwe ya spam. Ka dinako tse dingwe bakwadi ba senya dikwalo ka go tlosa diteng kgotsa go tsenya tsebe e e senang sepe gotlhelele. Mefuta e e sa tlwaelegang thata ya tshenyo, jaaka go tlaletsa dikwalo ka dikgang tse di utlwalang mme di se boammaaruri ka bomo, di ka nna dingalo thata go lemosega. Batho ba ba senyang dikwalo ba ka tsenya fomate e e sa amaneng le sepe, ba fetola motheo wa tsebe jaaka setlhogo sa tsebe kgotsa go aroganngwa ga yone ka ditlhopha, ba dirisa khoutu e e ka fa tlase ga lekwalo ka boferefere, kgotsa ba dirisa ditshwantsho ka tsela e e kgoreletsang.

White-haired elderly gentleman in suit and tie speaks at a podium.
Mmegadikgang wa MoAmerika John Seigenthaler (1927–2014), setlhogo sa tiragalo ya buka ya botshelo jwa ga Seigenthaler

Tshenyo e e bonalang ka kakaretso e motlhofo go ka ntshiwa mo dikwalong tsa Wikipedia; nako ya bogare ya go e lemoga le go e baakanya ke metsotso e le mmalwa. Le fa go ntse jalo, tshenyo ye nngwe e tsaya lobaka thata go ka lemogwa le go baakanngwa.

Mo tiragalong ya buka ya botshelo jwa ga Seigenthaler, mokwadi mongwe yo o neng a ipipile leina a sa itsiwe o ne a tsenya kgang ye e e seng boammaaruri mo lekwalong la botshelo jwa moeteledipele wa sepolotiki wa Amerika e bong John Seigenthaler ka Motsheganong 2005, a mo kaya mo go maaka jaaka mmelaelwa wa polao ya ga John F. Kennedy . E ne ya nna e sa baakanngwa dikgwedi di le nne. Seigenthaler, mookamedi yo o simolotseng USA Today le motlhami wa lekgotlana la kgololesego ya Lekalana la Phetolo ya Ntlha kwa Sekolo sa dithuto tse dikgolwane sa Vanderbilt, o ne a leletsa motlhami-mmogo wa Wikipedia e bong Jimmy Wales mme a mmotsa gore a o na le tsela epe ya go itse gore ke mang yo o tsentseng kgang ye e senang boammaaruri yeo. Wales o ne a re ga itse, le fa mong wa molato a ne a feleletsa a latedisiwa. [68] [69] Morago ga tiragalo e, Seigenthaler o ne a tlhalosa Wikipedia e le "sedirisiwa sa patlisiso se se nang le diphoso gape se sena maikarabelo". Tiragalo e e ne ya dira gore go dirwe diphetogo tsa melawana kwa Wikipedia tsa go gagamatsa go netefadiwa ga dikwalo tse di buang ka matshelo a batho ba ba tshelang. [70]

Dikganetsano le dintwa tsa go tlaleletsa dikwalo

[fetola | Fetola Motswedi]

Bakwadi ba Wikipedia gantsi ba na le go sa dumalane mabapi le diteng, tse di ka tlotliwang mo ditsebeng tsa Puisano tsa dikwalo. Dikganetsano di ka felela ka diphetogo tse di gaisanang gangwe le gape mo dikwalong, tse di bidiwang "ntwa ya go tlaleletsa". [71] E bonwa ke botlhe jaaka seemo se se senyang didirisiwa mme go sena kitso epe e e mosola e e tsengwang, [72] gape e a kgalwa ka e tsewa e dira ngwao ya gore bakwadi ba nne le kgaisano e nang le kgotlhang [73] se se amangwang le dikarolo tsa bong tsa banna tsa setso . [74] [75] Dipatlisiso di itebagantse thata le, sekai, go tlhoka botho ka dikganetsano, [76] [77] tlhotlheletso ya dikampa tsa bakwadi tse di gaisanang, [78] [79] popego ya dipuisano, [80] le phetogo ya dikgotlhang go tlhoma mogopolo mo metsweding. [81] [82]

Taha Yasseri wa Sekolo sa dithuto tse dikgolwane sa Oxford o ne a sekaseka dikgotlhang tsa go tlaleletsa/kwala dikwalo le go rarabololwa ga tsone mo patlisisong ya 2013. [83] Yasseri o ne a nganga gore go boela morago mo go bonolo fela kgotsa ditiro tsa "go dirolola" e ne e se selekanyo se se botlhokwa thata sa boitshwaro jo bo sa siamang jwa tiro kwa Wikipedia. O ne a ikaegile boemong jwa seo ka leano la "bakwadi ba le babedi ba bereka mmogo go boela ditlaleletso morago", le e leng gore mokwadi a le mongwe o tlaabo a busetsa morago go tlaleletsa ga mokwadi yo mongwe yo morago ga moo, ka tatelano, a boelang go busetsa tlaleletso ya mokwadi wa ntlha morago. Maduo a ne a tsenngwa mo lenaneong la diphetolelo di le mmalwa tsa dipuo tsa Wikipedia. Dikgotlhang tsa dipalo tse tharo tse di tona mo Wikipedia ya Sekgoa e ne e le tsa dikwalo tsa ga George W. Bush, botlhokapuso, le Muhammad . [83] Fa go bapisiwa, mo Wikipedia ya Jeremane, dikgotlhang tsa dipalo tse tharo tse di tona ka nako ya patlisiso e ne e le tsa dikwalo tse di neng di bua ka Croatia, Scientology, le megopolo ka tiragalo ya 9/11 . [83] Ka 2020, babatlisisi ba ne ba supa dikgato tse dingwe ka maitsholo a bakwadi, go feta go boela morago ditlaleletso ka bobedi, go supa dikgotlhang tsa go tlaleletsa dikwalo go ralala Wikipedia. [82]

Bakwadi gape ba ngangisana ka go phimolwa ga dikwalo mo Wikipedia, ka dingangisano tse di ntseng jalo di ka nna dikete di le makgolo a le matlhano fa e sa le Wikipedia e simololwa go tloga ka 2019. Fa lekwalo le sena go tlhophiwa go phimolwa, kganetsano gantsi e laolwa ke ditlhopo tsa ntlha (gore a le bolokwe kgotsa le phimolwe) le ka go umaka melawana ya tse di rileng tsa setlhogo. [84]

Melao le diteng

[fetola | Fetola Motswedi]

Wikipedia e na le mafelo a maina a a farologaneng a le lesome le bongwe mme dikwalo tsa yone di teng mo lefelong la maremelelo . Mafelo a mangwe a maina a na le ketapele pele ga setlhogo sa tsebe ya one mme a diragatsa maikaelelo a a farologaneng. Sekai, lefelo la maina a lenaneo le o a dirisa ketapele ya Wikipedia mme gape le dirisediwa dipuisano tse di amanang le go ipusa. Bontsi jwa babadi ga ba itse ka mafelo a a mangwe a maina. [85]

Melaometheo ya morafe wa badirisi ba Wikipedia e akareditswe mo "Dipilara tse Tlhano", fa melaometheo e e tseneletseng ya go tlaleletsa dikwalo e tlhagisiwa mo melaong le dikaedi tse dintsi tse di diretsweng go bopa diteng mo go tshwanetseng. Dipilara tse tlhano tseo ke:

  • Wikipedia ke ensaetlolopedia
  • Wikipedia e kwadilwe ka tsela e e sa tseyeng letlhakore
  • Diteng tsa Wikipedia ke tsa mahala tse mongwe le mongwe a ka di dirisang, a di tlaleletsa, le go di anamisa
  • Bakwadi ba Wikipedia ba tshwanetse go tshwarana ka tlotlo le maitseo
  • Wikipedia ga e na melao e e kgopo

Melao e e tlhamilweng ke badirisi e bolokwa mo lefelong la maina la Wikipedia, mme bakwai ba Wikipedia ba kwala le go tlhabolola melao le dikaelo tsa webosaete go ya ka tumalano ya badirisi. [86] Kwa tshimologong, melao ya dikgatiso tse e seng tsa Sekgoa tsa Wikipedia e ne e beilwe mo thanolong ya melao ya Wikipedia ya Sekgoa. Fa e sa le ka nako eo e ile ya fapoga golo gongwe.

Melao ya diteng le dikaelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Go ya ka melao ya morafe wa badirisi ba Wikipedia ya Sekgoa, lekwalo lengwe le lengwe mo Wikipedia le tshwanetse go nna le setlhogo se se maleba go nna mo ensaetlolopedia mme e se lekwalo le le kwadilweng kana le utlwalega jaaka buka ya tlhaloso ya mafoko. Setlhogo gape se tshwanetse go fitlhelela maemo a Wikipedia a "notability", se se rayang gore setlhogo se tshwanetse gore a bo se kile sa akarediwa thata mo metsweding e e ikanyegang e e ikemetseng ka nosi mo setlhogong sa lekwalo leo. [87]Wikipedia e ikaeletse go fetisa fela kitso e e setseng e tlhomilwe gape e lemogwa ka jalo ga e a tshwanela go tlhagisa dipatlisiso tsa ntlha tsa setlhogo sa palo. [88]Ditlhogo tsa dipalo tse dingwe, jaaka tsa mapolotiki le barutegi, di na le melwana e e kgethegileng. [87]La bofelo, Wikipedia e tshwanetse go supa karolo e e sa tseyeng letlhakore. Se se fitlhelelwa ka go soboka metswedi e e ikanyegang, go dirisa puo e e sa tseyeng letlhakore, le go tlhomamisa gore go tlhagisiwa dintlha tse dintsintsi go ikaegile ka gore di tlhagelela go le kana kang. Dikgang/kitso gape e tshwanetse gore a bo e ka netefadiwa. [89]Lekwalo le le senang dinopolo le ka nna la tshwaiwa kgotsa la phimolwa gotlhelele. [90]Se ka dinako tse dingwe se ka dira gore go phimolwe lekwalo(tshedimosetso) , le fa e le boammaaruri, e le gore ga e na metswedi sentle. [91] Jaaka fa melao ya Wikipedia e ntse e fetoga mo tsamaong ya nako, gape e nna dingalo, palo ya yone e ile ya gola. Ka 2008, go ne go na le ditsebe tsa melao di le masome a mane le bone le ditsebe tsa dikaelo di le makgolo a mabedi le masome a le mane le boferabobedi (248); ka 2013, barutegi ba ne ba bala ditsebe tsa melao di le makgolo a le mararo le masome a le boferabobedi le boraro (383) le ditsebe tsa dikaelo di le makgolo a le mane le masome a le mane le boferabongwe (449). [59]

Tsamaiso/Puso

[fetola | Fetola Motswedi]

Puso ya ntlha ya Wikipedia e ne ya kopanya dikarolo tsa puso ya batho ka batho le tsa tatelano ya maemo fa nako e ntse e tsamaya. [92] [93] Lekwalo ga le tsewe e le la motlhami wa lone kgotsa mokwadi ope yo mongwe, le fa e le yo go buiwang ka ene (setlhogo) mo go lone. Bakwadi ba ba mo maemong a a siameng mo morafeng ww badirisi ba ka kopa ditshwanelo tse dingwe tsa bodirisi, se se ka ba nayang bokgoni jwa setegeniki jwa go dira ditiro dingwe tse di kgethegileng. Ditshwanelo dingwe tsa bodirisi di neelwa ka go itirisa (automatically), jaaka ditlhopha tse di netefaditsweng ka go itirisa le tse di netefaditsweng tse di atolositsweng, fa dingwaga tsa akhaonte le diphetogo tsa dikwalo tse di batliwang di fitlhelelwa. [57]

Batsamaisi

[fetola | Fetola Motswedi]

Bakwadi ba ba nang le kitso ya bodirisi ba ka tlhopha go tsenelela ditlhopho tsa " botsamaisi ", jo bo akaretsang bokgoni jwa go phimola ditsebe kgotsa go di thibela gore di se ka tsa fetolwa mo dikgetseng tsa tshenyo e e masisi kgotsa dikgotlhang tsa dikwalo. Batsamaisi ga ba a tshwanela go nna le dithata dipe tse di kgethegileng tsa go dira ditshwetso; go na le seo, dithata tsa bone di lekanyeditswe thata mo go direng diphetogo tse di botlhokwa thata tsa mananeo mme ka jalo ga di letlelelwe bakwadi ba ba tlwaelesegileng, le go diragatsa dithibelo tse di ikaeletseng go thibela bakwadi ba ba kgoreletsang go dira diphetogo tse di senang mosola. [W 11]

Ka 2012, bakwadi ba le mmalwa ba ne ba nna batsamaisi fa ba bapisiwa le dingwaga tsa pele tsa Wikipedia, bontlhabongwe jwa lobaka la kgang e e le gore thulaganyo ya go tlhatlhoba batsamaisi ba ba ka nnang teng e ne e setse e gagametse thata. [26] Ka 2022, go ne ga nna le kopo e e neng ya baka dikganetsano thata ya botsamaisi ka ga maikutlo a ntlhopheng yo o neng a le kgatlhanong le Trump; kwa bofelong, ba ne ba newa botsamaisi. [94]

Tharabololo ya dikgotlhang

[fetola |